Acts 2

Kgorogo ya Morwa O O Boitshepo

1Mme erile go setse go fetile dibeke di supa, morago ga loso le tsogo ya ga Jesu, ga fitlha letsatsi la Pentekosete. Ya re ka letsatsi leo badumedi ba phuthega, 2ka tshoganetso ga utlwala mosumo o ka re wa sefefo se segolo kwa loaping kwa godimo ga bone, mme wa tlala ka ntlo e ba neng ba phuthegetse mo go yone. 3Hong, ga bonala kwa go bone sengwe ekete dikgabo kgotsa diteme tsa molelo mme tsa nna mo ditlhogong tsa bone. 4Mme botlhe ba ba neng ba le teng ba tladiwa ka Mowa O O Boitshepo, mme ba simolola go bua ka dipuo tse ba sa di itseng, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa ba naya nonofo e.

5Mme ga bo go le Bajuta ba le bantsi ba ba boifang Modimo mo Jerusalema ka letsatsi leo mo moketeng wa tumelo, ba tswa mo dichabeng tse dintsi. 6Mme ya re ba utlwa mosumo mo loaping kwa godimo, bontsintsi jwa batho jwa tla bo tabogile go tla go bona gore go diragala eng. Mme ba gamarega fa ba utlwa barutwa ba bua ka dipuo tsa bone.

7Ba bua ka kgakgamalo ba re, “Mo go ka diragala jang? Gonne banna ba botlhe ke ba ba tswang kwa Galalea? 8Mme re utlwa ba bua ka diteme tsotlhe tsa mafatshe a re tsaletsweng mo go one! 9Fano re le Baparathaia, le Bameda, Baelama, le batho ba ba tswang kwa Mesopotamia, le kwa Judea, le Kapodokia le Ponto le kwa Asia. 10Le kwa Feregia le Pamfilea le Egepeto le puo ya dikgaolo tsa Kurene ntlheng ya Libia, le baeng ba ba tswang kwa Roma, e le Bajuta le ba ba sokologetseng kwa Sejuteng. 11Le Bakereta, le Baarabia. Mme rotlhe fela re utlwa banna ba ba bua dikgakgamatso tse dikgolo tsa Modimo ka puo ya ga rona!”

12Mme ba ema foo ba hakgametse thata ebile ba gamaregile. Mme ba botsana ba re, “Tota mo go ka ne go raya eng?”

13Mme bangwe le fa go ntse jalo ba ne ba ba sotla, ba re “Batho ba ba tagilwe fela ba!”

Thero ya ga Petere

14Mme Petere a ema fa pele le barutwa ba bangwe ba le lesome le motso, mme a goeleletsa kwa bontsintsing jwa batho a re, “Lona lotlhe reetsang, baeng le lona baagi ba Jerusalema ka mokgwa o o tshwanang! 15Bangwe ba lona ba re batho ba ba tlhapetswe! Ga se boammaaruri! Go sa le mo mosong thata mo go se se ntseng jalo! Batho ga ba tlhapelwe ka nako ya bofera o le mongwe mo mosong! 16Nnyaa Se lo se bonang mo mosong ono se ne sa porofeswa mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di fitileng ke moporofiti Joele, o rile 17‘E tlaa re mo malatsing a bofelo ke goromeletse Mowa wa me O O Boitshepo mo bathong botlhe, bomorwaalona le bomorwadia lona ba tlaa porofesa. Makau a lona a tlaa bona diponatshegelo, le banna ba tlaa lora ditoro. 18Ee, Mowa O O Boitshepo o tlaa goromediwa le mo batlhankeng ba me botlhe banna le basadi ka mokgwa o o tshwanang, mme ba tlaa porofesa. 19Mme ke tlaa dira ditshupo tse di sa tlwaelesegang mo Magodimong le mo lefatsheng, madi le molelo le maru a a looto la mosi; 20letsatsi le tlaa fifala le kgwedi e tlaa nna khibidu jaaka madi pele ga Letsatsi leo le le boitshegang la Morena le tla. 21Mme le fa e le mang yo o kopang kutlwelo-botlhoko mo Modimong o tlaa e newa, matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!’

22“Lona banna ba Iseraele, reetsang,

“Modimo o ne wa supela Jesu wa Monasara ka go dira dikgakgamatso tse di kgolo ka ene fela jaaka lo itse sentle.
23Mme Modimo o setse morago leano la one le o saleng o le dira bogologolo, a lo letla gore lo dirise puso ya Roma gore lo mmapole mo mokgorong lo mmolaye. 24Mme Modimo wa mo golola mo losong lo lo boitshegang wa mo tsosa mo baswing, gonne loso lo ne lo sena thata ya go mo tshegetsa mo taolong ya lone.

25“Kgosi Dafide o kile a ama mafoko a a builweng ke Jesu fa a re, ‘Ke itse gore Morena o na le nna ka malatsi otlhe o a nthusa, nonofo e kgolo ya Modimo e a ntshireletsa.

26“Mme ga go hakgamatse fa pelo ya me e tletse boitumelo le loleme lo goeletsa dipako tsa gagwe, gonne ke a itse gore dilo tsotlhe di tlaa ntshiamela mo losong.

27“Gonne ga o kitla o tlogela mowa wa me mo bobipong le fa e le go letla mmele wa ga Morwao yo o Boitshepo go bola.

28“Mme o tlaa mpusetsa botshelo jwa me, o mphe le boitumelo jo bo hakgamatsang fa pele ga gago.’

29“Bakaulengwe ba ba rategang, gakologelwang gore Dafide o ne a sa ithee fa a bua mafoko a ke setseng ke tswa go a ama, gonne o ne a swa, a ba a fitlhwa, le lebitla la gagwe le sa ntse le le teng le gompieno. 30Mme e ne e le moporofiti, gape a itse gore Modimo o sale o solofetsa ka maikano a a sa senyegeng gore mongwe wa losika lwa ga Dafide (o tlaa nna Mesia) a nne mo setilong sa bogosi sa ga Dafide. 31Dafide o ne a lebela dilo pele, gape a porofeta tsogo ya ga Mesia mo baswing, a re Mowa wa ga Mesia ga o kitla o tlogelwa mo bobipong le mmele wa gagwe ga o na go bola. 32O ne a bua kaga Jesu, mme rotlhe, re basupi ba gore Jesu o tsogile mo baswing.

33“Mme jaanong o ntse mo setilong sa bogosi sa tlotlo e kgolo thata kwa legodimong, go bapa le Modimo, mme fela jaaka go solofeditswe, Rara o mo neile taolo ya go romela Mowa O O Boitshepo, ka ditshupo tse lo di bonang le tse lo di utlwang gompieno. 34[Nnyaa, Dafide o ne a sa ithee ka bo ene ka mafoko agagwe a ke sa tswang go a umaka gonne ga a ise a ke a tlhatlhogele kwa magodimong.] Mo godimo ga moo, o buile gape a re, ‘Modimo o buile le Morena wa me, Mesia, wa re, “Nna fano ka tlotlego go bapa le Nna, 35go fitlhelela ke tlisa baba ba gago” mo boineelong jo bo feletseng.’ 36Mme ke gone ka moo ke buang phatlalatsa le mongwe le mongwe mo Iseraele gore Modimo o dirile ene Jesu yo, yo lo mmapotseng go nna Morena le Mesia.”

37Mme mafoko a a ga Petere a ba ama thata; mme ba mo raya le baaposetoloi ba bangwe ba re, “Bakaulengwe re tshwanetse go dira eng?”

38Mme Petere a fetola a re, “Sokologang mo dibeng, lo boele mo Modimong, lo bo lo kolobediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona mo leineng la ga Jesu Keresete; mme ke gone le lona lo tlaa amogelang neo e ya Mowa o o Boitshepo. 39Gonne Keresete o e solofeditse mongwe le mongwe wa lona yo o biditsweng ke Morena Modimo wa rona, le bana ba lona le ba ba kwa mafelong a a kgakala!”

40Mme Petere a rera thero e telele a bolela ka ga Jesu, a gatelela ka go kopa bareetsi ba gagwe botlhe fela go ipoloka mo boleong jwa chaba ya ga bone.

Kopano ya badumedi

41Mme ba ba neng ba dumela thero ya ga Petere ba ne ba kolobediwa, e ne e ka nna batho ba le dikete tse tharo! 42Mme ba kopanela ditirelo tsa malatsi otlhe le badumedi ba bangwe, mo dithutong le mo selalelong sa Morena le mo dikopanong tsa merapelo. 43Mme poifo e kgolo e ne e le mo go bone botlhe, foo baaposetoloi ba dira dikgakgamatso tse dintsi.

44Mme badumedi botlhe ba ne ba kopana ka nako tsotlhe ba abalana dilo tsotlhe tse ba nang natso, 45ba rekisa dithoto tsa bone ba di abela ba ba tlhokang. 46Ba ne ba obama mmogo ka nako tsotlhe mo Tempeleng, ba kgobokana ka ditlhophanyana mo malwapeng, ba a ja Selalelo sa Morena, gape ba tlhakanela le tsone dijo tsa bone ka boitumelo le ka tebogo e kgolo, 47ba baka Modimo. Ba be ba ratwa ke batho botlhe ba motse, mme Modimo wa ba okeletsa malatsi otlhe ka ba ba bolokwang.
Copyright information for TsnLEF